MULENGA O TLHALOSA GORE GORENG A ITOKOLLOTSE KO PIRATES, GAPE SHABBA WA BUA

--:--
AUGUSTINE Mulenga o itsisitswe kwa setlhopheng sa AmaZulu le batshamiki ba bang ba go akaretsa bikakapa tse lesome go akaretsa Siphiwe "Shabba" Tshabalala le Luvuyo "Amigo" Memela.
Mulenga o tlhalositse gore a kopile go ka lokollwa mo kontrakeng ya gagwe le Pirates ka gore setlhopha se sa ko Soweto ba kwadisitse batshamiki ba ba ntsi, mme ntse a sa bone karolo ya gagwe.
Are ntse asa batle go bowa a sotlega jaaka mo setlheng se se fitileng mo ntseng a sa tshameke kgwele ya dinao.
Shabba ene are o tlile go tshameka go fitlhella dinao tsa gagwe di gana go mo emisa.
Shabba a re AmaZulu ba na le bokamoso bo bo tlhapileng, e bile o tlile go dirisa maitemogelo a gagwe go thusa setlhopha sa AmaZulu go fetsa setlha seno mo maemong a bone.
Memela ena are ga a batle go bowa a tshela matsapa a tsamailing ka fa tlase ga ona ko Pirates.
"AmaZulu ba na le ditoro mme ke batla go nna karolo ya ditoro tsa bona," go bua Memela.
20 Oct 2020 Setswana South Africa Soccer

Other recent episodes

REETSA BORANOLODI BO TLHWATLHWA: GO TLILE GO NKGA GO SA BOLA!

Ke lekgetho la ntlha mo historing e diragala ntlha e ntseng jaana, e bile e ka nna lekgetho la bofelelo mo isagweng ya rona. Reetsa ga re leba leba mojago wa Mamelodi Sundowns le wa AmaZulu ga ba sianela go fitlha ko lefatsheng la Kanana ele bantlha.
2 May 2021 10 min

REETSA: LEANO LE KA THUSANG SAFA MO MAIDING A MOKATISI WA BAFANA

Nako dingwe monna o tshwanela ke go dira dilo tse seng maleba gore fela ba lapa gagwe ba seke ba robala ka tlala. Ke seo rona jaaka Ma-Afrika Borwa re eletsang go se dira jaaka Safa e goga dinao go bona mokatisi wa Bafana Bafana. Ke setlhopha sa naga, mme…
25 Apr 2021 8 min