08
DEC
2020
REETSA: MATHEWS MPETE O TSENELELA KAMO KAMPENG YA CHIEFS!
Kaizer Chiefs ba ile go tsweletsa pele beke e thata e saleng ba e simolotse ka metshameko ya Caf Champions League foo ba ragetseng kwa thoko setlhopha sa Cameroon, Bamenda FC, mo mafelong a beke.
Mme jaanong ba ile go rotolana matlho le Black Leopards mo metshamekong ya DStv Premiership foo ba tlabeng ba ikaeletse go tsweletsa pela phenyo ya bona. Chiefs e latlhegetswe ke motshameko kgatlhanong le Swallows FC mo motshamekong wa bona wa bofelo wa liga.

02
DEC
2020
REETSA: MABAKA TOTA GORE BATSHAMIKI BA TTM BA KGANELE GOYA IKATISONG
Jaaka SunSport e go thankgolletse yona pele gore batshamiki ba Tshakhuma FC ba kganetse goya ikatisong ka Mosupulogo morago ga gore madi a bona a kgwedi asa duelwa, kgang eno e phunyeletsa boteng ba sebodu. Motswana o kile a bua gore ntja e senang lebelo e siiwa ke ke nong e tlhotsa, tota e tila kgatelopelo ya ka fa tlase ga mmu.
Reetsa ga re go thankgollela yona.
Reetsa ga re go thankgollela yona.
23
NOV
2020
REETSA GA FIFA E BELESETSA AHMAD AHMAD O A TLHOKILENG BOTSHEPEGI
FIFA e itsisitse ga e beetse moporesidente wa CAF Ahmad Ahmad kwantle nakwana morago ga bogotswana boo bo itemogentsweng ke Fifa. Gape le Eric Tinkler a belesediwa mo tirong ya gagwe jaaka mokwetlisi wa setlhopha sa Maritzburg United.
16
NOV
2020
SPORTS-TALK: BAFANA BA ITLHOKOMELA KGATLHANONG THE SAO TOME
Bafana Bafana bana le letsatsi le le kannang thata ga ba sa ikatega ga ba golagana le naga ya Sao Tome ePrincipe ele ga ba itekella go punyelletsa go tsena ko makgaolakganyeng a 2022 Afcon ko Cameroon.
Leeto la ko Nelson Mandela Stadium le ka ba ketefallang ga fela ba ka se nose dino tse tlhano mme ba sa nosiwe.
Leeto la ko Nelson Mandela Stadium le ka ba ketefallang ga fela ba ka se nose dino tse tlhano mme ba sa nosiwe.
09
NOV
2020
SPORTS-TALK: MABAKA A LESOME (10) CHIEFS E GAGOTSWE LETLALO KE PIRATES!
Ntse go kitla go nna bonolo gore Kaizer Chiefs e fete ka bonolo kgatlhanong le setlhopha se se ikemiseditseng sa selebo sa Orlando Pirates. Ba gagokantse Chiefs letlalo ka nno tse 5-0 ka kakaretso mo magatong a mabedi (3-0 le 2-0). Re go neela mabaka a lesome ao re naganang gore a ka tswa a dirile gore Chiefs ebe bokowa kgatlhanong le Pirates.
04
NOV
2020
SPORTS-TALK: TINKLER OKA FA TLASE GA TWEBETWEBE YA MATHATA
KE fela sebaka sa metshameko a mmalwa pele ga mokatisi wa Maritzburg United Eric Tinkler a iphitlhela asena tiro.
Modulasetulo wa setlhopha se, Farook Kadodia, mo nakong esa fedising pele aka rema ka selepe.
Maritzburg e tsamaile metshameko a ballwang go e lesome ba sa bone phenyo, mme se sona se ka tsenya ketsaetsego mo go Kadodia o supileng ga sa itumela lekgethong leo SunSport ntse e bua le ena

28
OCT
2020
SPORTS-TALK: HUNT O KGALEMA BILLIAT KA BOGALE!
Mokatisi wa setlhopha sa Kaizer Chiefs, Gavin Hunt, o ntse a tsutsubantse phatlha a kgalema ka bogale Khama Billiat gore a tlogele go itira Kaizer Chiefs le ge a ntse ana le batshamiki ka ena. Hunt o boleletse Billiat gore a ithute go tshameka jaaka setlhopha.
O tsibusitse gape gore go tlile yaang gore motshwaradino yo tlhwatlhwa wa setlhopha, ebile ele wa maemo a ntlha wa naga, Itumeleng Khune, a simolle kwa bankeng.
O tsibusitse gape gore go tlile yaang gore motshwaradino yo tlhwatlhwa wa setlhopha, ebile ele wa maemo a ntlha wa naga, Itumeleng Khune, a simolle kwa bankeng.
26
OCT
2020
SETSWANA SPORTS-TALK: MNGQITHI WA TSIBOGA KA MAGATWE A GEORGE MALULEKA
Mokwetlisi wa Mamelodi Sundowns, Manqoba Mngqithi, o tsibogile ka bogale magatwe aga George Maluleka a gore setlhopha se batla go adimisana ka ena ka ese karolo ya maano a setlhopha mo setlheng seno. O tsiboga jaana morago ga go thulantsha setlhopha sa Kaizer Chiefs le mabota mo madibogong a setha sa 2020-21 DStv Premiership.
20
OCT
2020
MULENGA O TLHALOSA GORE GORENG A ITOKOLLOTSE KO PIRATES, GAPE SHABBA WA BUA
AUGUSTINE Mulenga o itsisitswe kwa setlhopheng sa AmaZulu le batshamiki ba bang ba go akaretsa bikakapa tse lesome go akaretsa Siphiwe "Shabba" Tshabalala le Luvuyo "Amigo" Memela.
Mulenga o tlhalositse gore a kopile go ka lokollwa mo kontrakeng ya gagwe le Pirates ka gore setlhopha se sa ko Soweto ba kwadisitse batshamiki ba ba ntsi, mme ntse a sa bone karolo ya gagwe.
Are ntse asa batle go bowa a sotlega jaaka mo setlheng se se fitileng mo ntseng a sa tshameke kgwele ya dinao.
Shabba ene are o tlile go tshameka go fitlhella dinao tsa gagwe di gana go mo emisa.
Shabba a re AmaZulu ba na le bokamoso bo bo tlhapileng, e bile o tlile go dirisa maitemogelo a gagwe go thusa setlhopha sa AmaZulu go fetsa setlha seno mo maemong a bone.
Memela ena are ga a batle go bowa a tshela matsapa a tsamailing ka fa tlase ga ona ko Pirates.
"AmaZulu ba na le ditoro mme ke batla go nna karolo ya ditoro tsa bona," go bua Memela.

12
AUG
2020
UTLWELELA: A PITSO LE ZINNBAUER BA AMOGELA MALEKA SETLHOPHA?
E nnile motshameko o thata magareng ga Mamelodi Sundowns le Orlando Pirates o fedileng ka maleka a lefela setlhopha, ga Absa Premiership e bowa go tshamikiwa.
Mokatisi wa setlhopha sa Sundowns, Pitso Mosimane, o rile o tla amogela ntlha e ba e boeng ka go tshameka maleka le Pirates, mme le mokatisi wa Pirates Josef Zinnbauer le ena are o kgotsofaletse ntlha fela gona le go latlhegelwa gotlhelele.
Le ga Downs ba fositswe ke tshono ya go ka bona penale, fela Mosimane o bone gole botoka go itidimalla.
"Pirates ba fositse ditshono tse ntsi thata tsa go ka nosa. Mo karolong ya bobedi ba tsere motshameko ba o romela go rona, ba be ba le kotsi thata. Bo nneteng fela ke gore Pirates ntse ba le botaka ka gore ba ikhuditse lobaka nyana, mme fela re fetile ka ntlha," Mosimane wa bua.
Zinnbauer o latlhela la motla pitsong: "Lefela ka setlhopha ke dipholo tse ke di amogelang. Sundowns gole gale ba re neela mathata, mme eseng gompieno. Ke setlhopha se se thata go fenya kgatlhanong le bona, ntle fela ga o lesego. Re tla ipakanyetsa motshameko wa rona o latelang."

03
AUG
2020
PODCAST: LOBEBE LA NEDBANK CUP KA LAMATLHATSO
Di a thankgolloga mafelo a beke eno, kgwele ya dinao e boile.
Nedbank Cup e tlile go simolla lobebe la kgwele ya dinao eo e tswelelang pele morago ga go emisiwa nakwana morago ga gore mogare wa Covid-19 o emise metshameko, lefatshe ka bophara.
Orlando Stadium kwa Soweto e tlile go amogela baeng ka metshameko e mebedi ka go latelana. Bloemfontein Celtic v Baroka FC ka ura ya bobedi (2pm), mme go latele Mamelodi Sundowns v Bidvest Wits ka 7.15pm.
Ditlhopha di ikwetlisa ka bo tsona mme gone jaanong ba kopane jaaka setlhopha ko di kampeng tse farologaneng, ka fa tlase ga melawana e tseneletseng ya Covid. Gopola, ga go balatedi bago ba ileng go amogelwa kwa lebaleng.

29
JUL
2020
PODCAST: BATSEREGANYI BA BARARO BA TSHWAEDITSWE KE COVID-19
BATSAMAISA metshameko ba PSL bale bararo ba tshwaeditse ke mogare was Covid-19 gotswa go ba le some a mararo e bosupa (37) bao a tsereng diteko ko Gauteng mo bekeng a fetileng. Ngaka ya Safa Thulani Ngwenya are bao ba tshwaeditsweng ntse ba sena bosupi bope ba gore bana le mogare o. Fela Ngwenya are ba siametse go ka tseya mabala go tswelletsa pele setlha sa kgwele ya dinao mo bekeng etlang ga Phatwe a tlhola malatsi ale robedi (8 August), ba simolola ka dikamakgaola kgang tsa Nedbank Cup. Ba tsereganyi ba tsa metshameko ba gaeletswe ko Gauteng kogo ba ipaakanyetsang tsweletso ya metshameko ego e tlileng go akaretsa GladAfrica Championship. Ngwenya are bago ba tshwaeditsweng ba tlhopollotswe go ba bangwe malatsi ale lesome (10) go fitlhella malatsi ago ga ba tla tseya diteko gape.