UTLWELELA: A PITSO LE ZINNBAUER BA AMOGELA MALEKA SETLHOPHA?

--:--
E nnile motshameko o thata magareng ga Mamelodi Sundowns le Orlando Pirates o fedileng ka maleka a lefela setlhopha, ga Absa Premiership e bowa go tshamikiwa.
Mokatisi wa setlhopha sa Sundowns, Pitso Mosimane, o rile o tla amogela ntlha e ba e boeng ka go tshameka maleka le Pirates, mme le mokatisi wa Pirates Josef Zinnbauer le ena are o kgotsofaletse ntlha fela gona le go latlhegelwa gotlhelele.
Le ga Downs ba fositswe ke tshono ya go ka bona penale, fela Mosimane o bone gole botoka go itidimalla.
"Pirates ba fositse ditshono tse ntsi thata tsa go ka nosa. Mo karolong ya bobedi ba tsere motshameko ba o romela go rona, ba be ba le kotsi thata. Bo nneteng fela ke gore Pirates ntse ba le botaka ka gore ba ikhuditse lobaka nyana, mme fela re fetile ka ntlha," Mosimane wa bua.
Zinnbauer o latlhela la motla pitsong: "Lefela ka setlhopha ke dipholo tse ke di amogelang. Sundowns gole gale ba re neela mathata, mme eseng gompieno. Ke setlhopha se se thata go fenya kgatlhanong le bona, ntle fela ga o lesego. Re tla ipakanyetsa motshameko wa rona o latelang."
12 Aug 2020 Setswana South Africa Soccer

Other recent episodes

REETSA BORANOLODI BO TLHWATLHWA: GO TLILE GO NKGA GO SA BOLA!

Ke lekgetho la ntlha mo historing e diragala ntlha e ntseng jaana, e bile e ka nna lekgetho la bofelelo mo isagweng ya rona. Reetsa ga re leba leba mojago wa Mamelodi Sundowns le wa AmaZulu ga ba sianela go fitlha ko lefatsheng la Kanana ele bantlha.
2 May 2021 10 min

REETSA: LEANO LE KA THUSANG SAFA MO MAIDING A MOKATISI WA BAFANA

Nako dingwe monna o tshwanela ke go dira dilo tse seng maleba gore fela ba lapa gagwe ba seke ba robala ka tlala. Ke seo rona jaaka Ma-Afrika Borwa re eletsang go se dira jaaka Safa e goga dinao go bona mokatisi wa Bafana Bafana. Ke setlhopha sa naga, mme…
25 Apr 2021 8 min