PODCAST: LOBEBE LA NEDBANK CUP KA LAMATLHATSO

--:--
Di a thankgolloga mafelo a beke eno, kgwele ya dinao e boile.
Nedbank Cup e tlile go simolla lobebe la kgwele ya dinao eo e tswelelang pele morago ga go emisiwa nakwana morago ga gore mogare wa Covid-19 o emise metshameko, lefatshe ka bophara.
Orlando Stadium kwa Soweto e tlile go amogela baeng ka metshameko e mebedi ka go latelana. Bloemfontein Celtic v Baroka FC ka ura ya bobedi (2pm), mme go latele Mamelodi Sundowns v Bidvest Wits ka 7.15pm.
Ditlhopha di ikwetlisa ka bo tsona mme gone jaanong ba kopane jaaka setlhopha ko di kampeng tse farologaneng, ka fa tlase ga melawana e tseneletseng ya Covid. Gopola, ga go balatedi bago ba ileng go amogelwa kwa lebaleng.
3 Aug 2020 Setswana South Africa Soccer

Other recent episodes

REETSA BORANOLODI BO TLHWATLHWA: GO TLILE GO NKGA GO SA BOLA!

Ke lekgetho la ntlha mo historing e diragala ntlha e ntseng jaana, e bile e ka nna lekgetho la bofelelo mo isagweng ya rona. Reetsa ga re leba leba mojago wa Mamelodi Sundowns le wa AmaZulu ga ba sianela go fitlha ko lefatsheng la Kanana ele bantlha.
2 May 2021 10 min

REETSA: LEANO LE KA THUSANG SAFA MO MAIDING A MOKATISI WA BAFANA

Nako dingwe monna o tshwanela ke go dira dilo tse seng maleba gore fela ba lapa gagwe ba seke ba robala ka tlala. Ke seo rona jaaka Ma-Afrika Borwa re eletsang go se dira jaaka Safa e goga dinao go bona mokatisi wa Bafana Bafana. Ke setlhopha sa naga, mme…
25 Apr 2021 8 min